Tsamayang Lyrics
- Genre:Gospel
- Year of Release:2015
Lyrics
Tsamayang lefatsheng lotlhe
Lo rereng mafoko a molemo bathong botlhe
Ba ba dumelang le ba kolobetseng
'Ineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Moya
Tsamayang lefatsheng lotlhe
Lo rereng mafoko a molemo bathong botlhe
Ba ba dumelang le ba kolobetseng
'Ineng ja Rara, le ja Morwa, le ja Moya
Boammaaruri Jeso O gaufi
A re mmakeng pakeng tsotlhe
Dichaba tsotlhe tsa lefatshe jotlhe
Galaletsang Rara Mogodimodimo
Moya Oo Boitshepho re kaele tshiamong
Re fe maatla, le lorato
Botshelo jwa rona bo supe gotlhe
Fa O tshela mo metlheng yotlhe
Moya Oo Boitshepho re kaele tshiamong
Re fe maatla, le lorato
Botshelo jwa rona bo supe gotlhe
Fa O tshela mo metlheng yotlhe
Fa batho ba ba bidiwang ka 'Ina ja Gago
Ba go bitsa mo thapelong
O tla a fodisa 'fatshe ja bone
O bo o ba itshwarele bosakhutleng
O tla a fodisa 'fatshe ja bone
O bo o ba itshwarele bosakhutleng